Morago ga gore batsadi ba gagwe ba mo tlogele le MmaItseng mo motseng wa Dinokeng, Boitshepo wa dingwaga di le sometlhano o ne a iphitlhela a tshwaragane le bothata jwa go tlwaela botshelo jwa motse, dikgwetlho tsa go dira ditsala, le sekolo se seswa. E rile mo a neng a ithaya a re tsotlhe di apere tshiamo, a lemoga lebaka-legolo la gore batsadi ba gagwe ba bo ba mo tlisitse kwa Dinokeng, mme kitso e no ya fetola botshelo jwa gagwe goya-goile. #Boitshepo
E tla nna teng ka Mopitlwe/March 2014
Published on January 12, 2014 12:43