Excerpt Chapter 2: Boitshepo

“Go ne go le botoka gompieno? O setse o tlwaela a kere?” Itumeleng a botsa.

“Ee, go ne go le botoka thata. E bile ke na le ditsala. Brenda le basetsana ba ke neng kee ja le bone, Lekang le Nkadi.”

“Go botoka,” Itumeleng a dumela.

“Fela, I feel like I don’t fit in,” Boitshepo a simolla.

“O raya jang,”

“Waitse dilo tse ba di itemogetseng mo maphelong a bona! Bona, Brenda mmaagwe o sule. O setse le mosadimogolo le bana ba bararo ba ga ausi wa gagwe, yo le ene a tlhokafetseng! Nkadi a re mosadi wa ga aubuti wa gagwe o mo tima dijo, Lekang ene ga ba na dijo kwa ntlong, ba emetse mafelo a kgwedi go bona madi a di grants. A re rraagwe fa a na le madi, a felela kwa bojalweng! Kana ke fa a batla Brenda gore a mo adime madi gore a reke sengwe. Like my life is a fairy tale ga ke e tshwantsha le maphelo a bona.O kare go ne go na le sengwe se nka se dirang go ba thusa.”

“Ya, ke life,” Itumeleng a araba, ka lentswe le le sa senoleng maikutlo ape.” (Available March 2014 at R60 a copy) #Boitshepo


 •  0 comments  •  flag
Share on Twitter
Published on February 02, 2014 09:49
No comments have been added yet.


Segametsi Moumakwa's Blog

Segametsi Moumakwa
Segametsi Moumakwa isn't a Goodreads Author (yet), but they do have a blog, so here are some recent posts imported from their feed.
Follow Segametsi Moumakwa's blog with rss.