Go tswa bukeng ya ka ya Setswana: Boitshepo

Tla ke go ngathele go tswa bukeng ya ka e ntshwa ya Setswana. E bidiwa Boitshepo, mme e tla phasaladiwa ka Mopitlwe. Nka itumelela go utlwa maikutlo a gago.


1


Maleka ga se makgona, makgona ke maboeletsa.


Boitshepo o ne a santse a itebeletse mo seiponeng, a kgatlhegile ka mokgwa o di skinny jeans tsa gagwe di mo nnang ka teng. Di ne di mo ngaparetse e kare di segetswe mo go ene. O ne a di aparetse ka hempe e tshweu, e nang le dikonopo tse dihibidu, mo matsogong a hempe go le gohibidu mo a menwang teng mo. Ditlhako a tsentse tse di bohibidu go tsamaelane le hempe, di na le serethe se se seng ko godimo, ebile se se ko tlase. Ditlhako le bokate o ne a di reketswe ke mmaagwe go tswa New York, kgwedi tse mmalwa tse di fetileng. Malengana e le a di konopo, a o fitlhelang a bakasela o kare ditaemane. Fa o re o lebelela moriri, o ne a o logilwe disingle, mme a o bofile lephondo le le fa, le le tshwarelwang mo gare ga tlhogo.


Ga a fetsa go kgotsofalela ka moo a lebegang ka teng a ntsha seitshaso sa molomo. Wa se bona se se elelang se, se o fitlhelang se phatsima thata o ka re mafura a oli? A itlepesetsa ka sone mo dipounameng. Se ne se le mmala o tsamaelanang le wa dipounama tsa gagwe, ka jalo go sa bontshe gore o itshasitse sengwe, go bonala thata gone go bakasela fela. Go ya ka ene o ne a ratile go ka itshasa se se khibidu go tsamaisana le diaparo tsa gagwe. Fela o ne a tshaba gore MmaItseng o tla mo kgala.


A tshikela ka fa le ka fa, go bona gore a tsotlhe di apere tshiamo.E rile a santse a re o tla tshika go itebelela ka letlhakore  le lengwe, lentswe la ga MmaItseng la bo le tla le tlhabeleditse, le mo itaya tsebe.


“Ago! Naare mosetsana ke wena  o dirang? A kere ke go reile ka re o ipaakanye re ya kerekeng? Ga o bone gore ke nako mang o nnetse go dikologa jaana?”


“But Gran, ke ready!” a araba, a makaletse gore a kampo matlho a mosadimogolo ga a bone bontle jo ene a bo bonang.


Ready? Ready kae ka marokgwe a disomongaga? Re ya kerekeng ga re ye di katareng! Apola dilo tseo o apare mosese! Direla ka pele, ga ke tle go tsena thari ko kerekeng ka ntlha ya gago mosetsana!” MmaItseng o bua jaana, matlho a gagwe a tomogile go bontsha gore o fedile pelo. A tsamaya go naya Boitshepo sebaka sa go fetola diaparo jaaka a mo laetse.


E ne e setse e le sebaka sa beke Boitshepo a nna le MmaItseng le RaItseng, lekgetlo la ntlha a nna sebaka se se telele jaana le bone. Makgetlho a o ikileng a tla go ba bona, o ne a aga a tla le mmaagwe, ebong Itseng. Le teng ba ne ba seke ba nna sebaka. E ne e le dilo tsa go tsena ba tswa, ke gore ga ba gorogile Labotlhano maitsiboa, Sontaga motshegare ba bo ba namela N4 gape ba leba Tshwane. Jaanong ke yo, o feditse beke a le nosi le botlhogoputswa, morago ga gore mmaagwe a mo tlise, a sena go mmolella gore o ya moseja ka mmereko, fa rraagwe a ya Kapa conferenseng. Boitshepo o ne a sa tlhaloganye gore goreng mmaagwe a tla batla go mo phuaganya kgwedi yotlhe, ko motseng wa Dinokeng, o o senang ditsela, dijarata tsa teng di ditlhaga kampo di dithole ka di sa alwa sepe, ebile motlakase o tsamaya beke le beke. Mme ga se gone gotlhe. Ga e sale a fitlha fa, ga a kgone go bona thekenoloji ya 3G mo mogaleng wa gagwe, se se kaya gore ga a kgone le go ka kwala mo lebotaneng la gagwe gongwe go tlhola maemo a ditsala tsa gagwe mo Facebook.


Ga a nagana dibeke tse di setseng pele kgwedi e fela, pele a tlaa boela gae, a bona o kare di lekana le ngwaga otlhe. O lekile go rapela mmaagwe gore ba mo tlogele ko ntlong le mothusi wa bone, MaThato, ka gonne o ne setse a tlwaetse go sala le ene fa ba tsamaile ka mmereko, fela seo ga se a thusa. Rraagwe o ne a mmolella gore go mo tlogela le mothusi kgwedi yotlhe go ka se kgonege, “it’s out of question Tshephi”, ke ka mokgwa o a e beileng ka teng. O ne a leka go tlhalosa gore kana ga se ngwana, o na le dingwaga di le sometlhano, a leka go lela, go gana dijo, go gana go bua le bone fela tsotlhe tseo ya nna tsa lefela.


Fa a santse a ja marapo a tlhogo ka bothata jo, a itharabologelwa ka pele fa a utlwa mosito wa dinao tsa ga MmaItseng. Ke ga a bula raka ya diaparo ka lepotlapotla, a ntsha mosese wa ntlha o a o bonang, a apara ka bonako jwa legadima.


“Bathong, mosese oo go tshwana fela le ga o sa apara, bona jaaka marago a tswetse ko ntle!” MmaItseng a bua a lebeletse mosese wa gagwe. “Ija, tla re tsamaye, go seng jalo ga nka ya ka wena ke a go fitlha moruti a rera.”


Boitshepo a baya letsogo mo molomong go thibela gore MmaItseng a seka a bona gore o hupetswe ke ditshego. Kana ga a ne a ka bona gore wa tshega, o ne a tlile go mo omonya.


MmaItseng, a ikgateletse ka seaparo sa gagwe sa bomme ba thapelo – sekete se sentsho, hempe e ntsho e e nang le bebe e tshweu, le hutse e tshweu- mme a di feleleditse ka ditlhako tsa di kwaekwae tshe dintsho. Malengana a di pearl a ne a kgabisitse ditsebe. Ga e sale a fitlha, Boitshepo e ne e le gone a mmonang a sa apara dikhiba tsa letoisi tse a tlwaetseng go di apara mo gare ga beke, le tuku e a sekeng a tlhoka go e rwala. A utlwa a gopola mmaagwe thata, ka ntlha ya gore e ne e le gone a lemogang gore mmaagwemogolo le mmagwe ba tota ba tshwana. Mo letlhakoreng le lengwe, ene o ne a tsere tshobotsi ya ga rraagwe, go tloga ka mmala wa letlalo o o dithupa-tsa-maretlwa, go ya ka nko e ntlenyane, e e tseetsweng matsapa.


You looking great Gran,” ke ga babatsa mmaagwemogolo.


“Ke a leboga ngwanaka. Tla re ye. RaItseng le ene ke solofela a fedile pelo. Ke yole o re emetse ko koloing!”


Motho yo o bonolo RaItseng, a se bogale jaaka MmaItseng. Boitshepo o ne a ise a bo a utlwe a tsholeditse lentse. Se a neng a ithatela go se dira fela ke go tlhokomela tshingwana ya gagwe ya merogo e e neng e le fa thoko ga ntlo. O ne a jwetse sipinitshi, ditamati, digwete, le dierekisi. Moso le moso, maitsiboa mangwe le mangwe, ga o ne o mo tlhoka o ne o tshwanetse go mmatlela ko tshimong. Fela mosong ono o ne a apere sutu e tshetlha, ka hempe e tsheu a bo a e gatisa ka thae e ntsho. O ne a ba emetse mo kolotsaneng ya gagwe ya Toyota Corolla, a sa bontshe go fela pelo.


Morago ga kereke MmaItseng o ne a tla le tsala ya gagwe ya ko mokgatlhong. O ne a na le mosimane wa go ka lekana le Boitshepo ka dingwaga, fela a le moleelenyana.


Mo tseleng, ke ga MmaItseng a itsise baeng ba mo go Boitshepo.


“Ke ngwana wa ngwanake yo. Wa ga Itseng. Boitshepo, ke MmaItumeleng le Itumeleng. Dumedisa.”


Hello,” Boitshepo a araba.


Hallo mma,” ga araba MmaItumeleng a bua a tshega. “Hei, bana ba makgoa.”


MmaItseng ene ke ga a sa kgatlhega. “Boitshepo, go a twe: Dumelang bo mma!”


Sorry,” Boitshepo a araba.


MmaItumeleng a ba a swa ka ditshego gape. “Waai mo tlogele tlhe. A kere ba goletse mo ditoropong.”


RaItseng ene jaaka gale, a itidimaletse, a lebeletse fela gore koloi e seka ya wela mo dikhuting tse di tletseng mo tseleng, gongwe go thula matlapa a neng a ka senyetsa motho koloi.


Itumeleng, yo o neng a ntse mo setulong se se kwa morago, mmagwe le Boitshepo ba mo tsentse fo gare, le ene a ikhwanya ka ditshego. O ne a didimala ka bonako ga a bone Boitshepo a mo dilola.


“Ee ba goletse mo ditoropong, fela ga ba le mo gae ba tshwanetse ba ithute,” ga bua MmaItseng. “Seo se tla diragala fela fa a tsaya matsapa, a leka. Maleka ga se makgona, makgona ke maboeletsa. Ga go jalo Itumeleng?”


“Ee mma,” Itumeleng a araba a lebeletse Boitshepo, yo o neng a mo ikgatholositse, a lebeletse kwa ntle ka letlhabaphefo.


Boitshepo a nagana gore ke sengwe sa dilo tse dingwe tse di dirang gore a batle gore nako e tsamaele ka pele gore a kgone go boela gabone ko Centurion. O ne a ikutlwa gore ga tsamaisane le lefelo le. Sa ntlha, MmaItseng o bua Setswana se se thata. Ga a mo araba, o batla gore le ene a dirise Setswana. Fela Setswana se a se itseng, ke se a se ithutileng go tswa go mmaagwe. Le teng mmaagwe o se bua a se tlhakanya le sekgoa. Sa bobedi, kereke ya fa e tsaya sebaka, diura di le tharo. Le gale gone e ne e le monate. Ke gore fela ene kereke e a e tlwaetseng, e tsaya fela ura. Ka jalo o ne a sa solofela gore o tlile go tlhola tsatsi lotlhe fa. O tla tshwanelwa ke go itshoka, go santse go setse Sontaga di le tharo.


O nagana jaana a lebile ko ntle ka letlhabaphefo, a ikgatholositse mosimanyana yo a bapileng le ene. Dithole di ne di kuile fo koloing e fetileng teng, di gasa batsamaya ka dinao. MmaItseng le MmaItumeleng bone ke ga ba setse ba le mo dipolotiking tsa bone tsa mokgatlho.


“O shapo?” a utlwa Itumeleng a bua.


Boitshepo a mo gadima gangwe fela a ba a boa a lebella ko ntle gape.


“Eish, bana ba makgoa! Ne ke re are you okay?” Itumeleng a bua  ka lentse le le tletseng ditshego.


I heard you first time, ga ke setlaela,” Boitshepo a mo kgakgautha.


“Jaanong ntlha ga o arabe? Ke tla itse jang gore o nkutlwile?”


Boitshepo a bala go fitlhela ka lesome mo pelong, fela gore maikutlo a gagwe a wele. A lebella Itumeleng gape, mme a fitlhela a mo tlhomile matlho, a na le monyebo o ka gangwe fela o ne wa mo lebatsa gore kana o ne a batla go mo raya a reng. A bona gore se se botoka ke gore a itebelele ko ntle gape.


“Go siame ga o sa batle go bua le nna Boitshepo,” Itumeleng a bua, a tsholeditse lentse. O ne a dira ka bomo gore mmaagwe le MmaItseng ba mo utlwe.


“Tshepi, molato ke’ng o sa batle go bua le Itumeleng? O tla dira ditsala jang ga o bifela batho jaana?” MmaItseng a botsa.


Ka sebaka seo RaItseng ke ga a baya koloi ka fa tlase ga setllhare sa modutu, go e tshabisa mogote wa selemo. Ka letlhogonolo ba ne ba setse ba fitlhile mo gae, ka jalo ga boloka Boitshepo go araba gore goreng a sa bua le Itumeleng. O ne a setse a feditse le mogopolo wa gagwe gore Itumeleng wa tena, le gore a kampane a nna a sena ditsala gona le gore a tsalane le ene. O ne a tena jaaka monang o o fitlhelang o boka mo tsebeng ya motho bosigo.


Gone go lebega o kare monang o, a ka se kgone go o koba ka gore MmaItseng ke ga a setse a mmitsa gore a tle go mo thusa ba tsholele baeng dijo tsa motshegare. A tshwanela gape ke go nna go bapa le monang o fa ba ja, a reeditse fa monang o ntse o mmotsa dipotso. Ga ba kabo ba ne ba le babedi fela, nkabo a mo ikgatholosa. Jaanong MmaItseng o ne a mmeile leitlho, le MmaItumeleng, go ne go sena ka mokgwa o mongwe.


“O tlile leng?” ga botsa Itumeleng.


Last Sunday,” Boitshepo a araba, a sa tlose matlho mo dijong tsa gagwe.


“O boa leng,” Itumeleng a botsa, ka nako eo a kodumetsa galase ya Coke.


Boitshepo ke ga a nagana, a ipona a nanabelela monang a ba a o pinyelela a o bolaya pele o ka kgona go siya.


“O tlile go nna kgwedi yotlhe,” MmaItseng a araba ga a bona Boitshepo a tsupile molomo.


“A dikolo tsa lona di tswetse?” Itumeleng a botsa gape, a ntse a itatswa menwana.


No!” Ka gore a ka se kgone go bolaya monang o, Boitshepo a bona gore a arabe ka bokhutshwane, gongwe o tla lemoga gore ga a batle go bua le ene.


“Jaanong ga o tle go salla ko morago ko sekolong? Eish o kare nka nna mo gae kgwedi yotlhe,” ke Itumeleng, a tshega.


Le ga a ne a mo tena jaaka monang, Boitshepo a iphitlhela a nyeba fa a utlwa ka mokgwa o Itumeleng a tshegang ka teng. A lemoga gore ke raditshwegana, o e reng ga a tshega, setshego sa gagwe se go gogele gore le wena o iphitlhele o tshega, le ga o sa itse gore o tshegang.


“Nnyaya Itumeleng, Boitshepo a ka se nne mo gae kgwedi yotlhe,” MmaItseng a araba, a ba a tsaya lesela la go iphumola, a iphumola molomo.


Ga a utlwa MmaItseng a rialo, Boitshepo a tlala tshepo ya gore ka gongwe dilo di fetogile, o tlile go boela Tshwane. A tshwara moa wa gagwe, a emetse gore MmaItseng a tlhalose.


“Ke buile le MmaMotse ko kerekeng gompieno, mogokgo wa ko Serankure, ka mo tlhalosetsa. A re Tshepi a ka nna a tla go tsena ko go ena ga a santse a lefa. Ke ne ke tlile go go bolella kgantele Tshepi, jaanong ka gore radipotso Itumeleng ke yo o nnetse go botsa, ke one ao.”


“Boitshepo o tla ko Serankure? Ke sekolo sa me seo. Ke tla tla go go tsaya kamoso phakela, o seka wa wara,” Itumeleng a bua ka boipelo.


“Nnyaya Tumi, ka gore ke letsatsi la gagwe la ntlha, ke tshwanetse ke tsamae le ene. Le gale o ka tla go mo tsaya go simolla ka Labobedi, akere.”


“Ee mma,” Itumeleng a araba.


Boitshepo ke ga a sa dumele se a se utlwang. Santlha mmaagwe o mo latlhela mo motseng a le nosi, sa bobedi o tshwanetse go ya ko sekolong se seshwa. Go dira dilo maswe le go feta, sekolo se Itumeleng, mothong yo a sa mmeeng sebete a yang ko go sona! A tlala pelo, matlho a gagwe a seka dikeledi. O ne a itse gore le ga a ka re wa gana, MmaItseng o ne a ka se mo reetse. Ga a mmotse le go mmotsa gore a o batla go ya ko sekolong seo. Ga a fetsa o mmolella mo gare ga batho, gona le gore a mmolelle ba le babedi le go utlwa gore o ikutlwa jang. MmaItseng ke mosadi yo o setlhogo, yo o sa kgathaleleng maikutlo a batho.


Excuse me,” a bua a emelela ka bonako, go ya ko kamoreng pele ba bona gore o tutetse pelo.


Ga a fitlha ko kamoreng a batla mogala wa gagwe, gore a leletse rraagwe go llela mo go ene. A fitlhela beterii e fedile. Ga a re o e tlhomela mo polakeng go e tsosolosa, motlakase ga o yo – ga e sale o tsamaile mo mosong pele ba ya kerekeng! Mogala wa Telkom o ne o le teng mo ntlung, fela o sa bereke. MmaItseng o sale a bua gore ga e sale magodu a utswitse megala ya koporo e e dirisiwang ke megala e ngwaga o o fetileng.


A itatlhela mo go dimo ga bolao, a lemoga gore o nosi. Dikeledi tsa elela mo marameng a gagwe. Goreng batsadi ba gagwe ba ka mo tlisa fa?  Mo lefelong le e leng gore ga kgone le go ka ikgolaganya le bone nako nngwe le nngwe e a batlang? A gone ba a itse gore MmaItseng o mo kwadisitse ko sekolong ntle le go bua le ene? E seng gore ke matshaba sekolo, ke fela gore batsadi ba gagwe ba mo tlwaeditse go bua le ene pele ba tsaya tshwetso ka sengwe le sengwe se se mo amang. Ga a tlwaela go bolellwa fela, ko ntle ga go bodiwa gore o ikutlwa jang.


Ga a nagana sentle, batsadi ba gagwe ga ba a ka ba mmotsa gore o ikutlwa jang ka go tla go nna le MmaItseng. A lemoga gore ke sone se se dirang gore a fitlhela go le bothata go tlhaloganya. Ke lantlha ba mo dira jalo, ebile o solofela gore ke la bofelo.


“Tshepi, tla o re tshelle custard, le tle le tlhatswe dijana le Itumeleng,” a utlwa MmaItseng a mmitsa. A itse gore o tshwanetse go beela kutlobotlhoko ya gagwe ko thoko, a dire jaaka a bolellwa. Beke tse tharo fela, a ikgothatsa.


Ba fetsa go tlhatswa dijana, ka nako yotlhe a reeditse Itumeleng a mmolella ka ditsala tsa gagwe tsa ko Serankure le barutabana. Boitshepo a dira o ka re o reeditse mme tota tlhaloganyo ya gagwe e se foo.


Moragonyana MmaItumeleng a leboga MmaItseng le Raitseng, le go laela.


“Re lebogetse dijo Tshepi, a kere,” MmaItumeleng a bua a mo phophotha mo legetleng.


“Ee,” Boitshepo a araba.


“Ee mma!” MmaItseng a mo tlatsa, a gatella lefoko “mma”.


“Ee mma,” Boitshepo a ipoeletsa, a digile matlho a sa lebelle Itumeleng. Le ga a ne a sa mo lebella, fela a itse gore sefatlhego sa gagwe se a bo se tletse ditshego.


“Ke tla go bona kamoso Tshepi!” a utlwa Itumeleng a mo laela.


E tlile go nna dibeke tse tharo tse di leele mo botshelong jwa gagwe!


-Bokhutlo ba 1-


Reka buka fa:



Boitshepo


Boitshepo



Buy from Amazon

 •  0 comments  •  flag
Share on Twitter
Published on November 24, 2013 14:30
No comments have been added yet.


Segametsi Moumakwa's Blog

Segametsi Moumakwa
Segametsi Moumakwa isn't a Goodreads Author (yet), but they do have a blog, so here are some recent posts imported from their feed.
Follow Segametsi Moumakwa's blog with rss.